KITSISO KA KAKARETSO
LEFAPHA LA MERERO YA TIKOLOGO LE BOJANALA
Nomoro. Letlha
DITLHOPHO TSE DI MABAPI LE GO THAPIWA GA BATHO BA BA MALEBA JAAKA MALOKO A BOTOTSAMAISO YA SETHEO SA BOSETŠHABA SA AFORIKA BORWA SA DITSHEDI TSA MEFUTAFUTA (SANBI)
Go ya ka karolo 15 ya Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Tikologo: Molao wa Ditshedi tsa mefutafuta, wa 2004 (Molao wa 10 wa 2004) batho ba ba nang le kgatlhego ba lalediwa go tlhopha batho ba ba maleba go sekasekiwa go thapiwa jaaka maloko a Bototsamaiso ya SANBI.
Dintlha tsa motlhophiwa
Borutegi jwa motlhophiwa kgotsa maitemogelo a gagwe mo lephateng la ditshedi tsa mefutafuta
Letlha la bofelo la ditlhopho ke ...
TSHEDIMOSETSO KA KAKARETSO
Motho yo o tla tlhophiwang o tshwanetse:
Go lekana le go nna maleba jaaka leloko
Go nna le borutegi jo bo maleba le maitemogelo mo lephateng la ditshedi tsa mefutafuta.
Motho yo e leng leloko la Palamente, la palamente ya porofense kgotsa la khansele ya mmasepala ga a tshwanela go thapiwa jaaka leloko la Bototsamaiso ya SANBI. Batho ba ba atlegileng ba tla thapiwa nakwana mo pakeng e e sa feteng dingwaga di le tharo. Maloko a Boto a duelwa moputso le ditetlo ka tumalano le Tona, tse go dumela ga Tona ya Ditšhelete, a ka di tlhomamisang.
Dikhophi tsa dikarolo tse di maleba tsa Molao tse di amanang le ditiro le dintlha tse dingwe tsa Bototsamaiso di bonwa mo Lefapheng la Merero ya Tikologo le Bojanala.
